19/10/2025
TAELA YA SUNDAY🙏.
Ke taela ya botshelo fa dilo tsa gago di sa go tsamaele sentle o nale bati, kgwebo ya gago e sa dire sentle kgotsa o sa bone mmereko.
O TLHOKA.
Bonnita long life milk.
Letswai le le makgabana le lesweu.
Holy ash kgotsa molora wa motswere.
5 p**a yo o pataganeng.
DIRA JANA.
Phakela letsatsi le ise le tlhabe kgotsa maitseboa letsatsi le sena go phirima o rapelele metsi ao tlhapang ka one pele fao tsenya metswako e.
Tshela holy ash kgotsa molora wa motswere maswana a matona a mararo, letswai le le makgabana seatla se se tletseng sa moja, o tshele long life milk mo bateng.
Huparela 5p**a yo o pataganeng ka seatla sa moja o fudue ka sone o ntse o mo huparetse o bue tse dintle tse o di batlang mo botshelong jwa gago, fao sena go dira jalo o mo tsenye mo spacheng o reke ka ene letsatsi le le latelang o seka wa mo neela ope.
Metsi a taela ga a tshololelwe gongwe le gongwe. Fao fetsa go tlhapa ya go tshololela metsi ko tlwaneng ya boithumelo kgotsa fa batho ba sa tsamaeleng teng ba le bantsi go sena ope yo o go bonang.
MEILA.
Gao dire o tlhakanetse dikobo.
Gao dire o nole bojalwa.
Gao dire o le mo setswalong.
Gao rerise ope fao dira ke sephiri sa gago o le nosi.
TLISA MADUO🙏