09/02/2026
KITSISO
Sechaba se itsisiwe fa ba kokelwana ya botsogo jwa kutlo (Audiology) e fudugetse ko sepateleng se segolwane sa Sir Ketumile Masire Teaching Hospital (SKMTH) go simolola mo tsatsing la gompieno (09 February 2026). Kokelwana eo e bonwa gone ko SKMTH, First Floor, Blook E.
Ditirelo di fiwa fa gare ga beke go simolola phakela metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bosupa (0730 hrs) go fitlhelela maitseboa metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bone (1630 hrs).
Setshaba se gakololwa ka tswee-tswee gore, kokelwana e, e bona fela ba ba rometsweng ke dikokelwana tse dingwe kana ba ba dirileng thulaganyo ya go bonwa nako e sale teng (referrals and appointments). Go ka dira thulaganyo ya go bonwa, leletsa mogala wa 373 5139.
Go itse go yeng pele o ka ikgolaganya le ba offisi ya kanamiso mafoko mo 362 1802 (PMH) kana 373 5021 (SKMTH).